
Monkeys on the loose
Rre Diphuka o ne a jatse ditlhare tsa maungo tsa mefutafuta tshimong ya gagwe. Maungo a gagwe a ne a le mantle. Baagisanyi ba gagwe ba ne ba leka ka natal go jala ditlhare tsa maungo mme ba retelelwa. Maungo a bona a ne a bola. Mongwe le mongwe o ne a botsa rre Diphuka gore o kgona jang gore maungo a gagwe a nne mantle jaana. Ka mehla o ne a ba araba ka gore, “Ke Lesego! Lesego ga le tlhakanelwe!”